Tuks- 525 600 minutes Lyrics

Tuks- 525 600 minutes Lyrics

Lyrics to 525 600 minutes Lyrics By Tuks

Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes

Five hundred twenty-five thousand moments so dear

Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes

How do you measure, measure a year

In daylights, in sunsets, in midnights, in cups of coffee

In inches, in miles, in laughter, in strife

Verse 1

Legong o robegelang?

Legong o sale metsi ntlogele ke go oke ke santse ke go belege mpepu.

Sedimonthole o re jele, Ntlapele Ferikgong ke a lela.

O le teng tota ke swelang senku.

O Phukalala le dintshu.

Go a sha go a fisa, botshelo lefatshe tlhase legala tshutshu.

Malwetse a bala dikesi.

Babolai ba e meta ka gore ba tseile bale bakae,

Nxxae! re lla le wena, botlholagadi ga se motlae

O ka tswa o le monyebo-motelela jaaka jara

But o tlhaela boitumelo jaaka Tlhakole a tlhaela malatsi mabedi

Amogela madi seatla molomo kgwedi le kgwedi

Diura , Metsotso, disekonte e se kgale ke tlo e bala ka diponto

o e meta fa go rileng. kapa fa e padile jaara boela mosimeng,senyeletse,

selemo se retisa sematsatsa

Chorus 2

Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes

Five hundred twenty-five thousand journeys to plan

Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes

How do you measure the life of a woman or man

Verse 2

What? Ke se se bona kae? ke se bona mo motsamaong wa gago

Tantabela hela, tlhoka-ina ga na ga semelela sela kae le kae

Boroko ke ba tlhogo, potso ke gore ke tla tsoga ke hema

Ke mo mileng go koloi ,

go sephethepethe,

o mpona boferefere

mme Ke semere letshwao, lare

“No food, No Job Please help”

Wena wa re “You no good, you are a flob, go to hell”

Wa bona.. Malatsi a me a tletse letlhoo,

Kutlobotlhoko le maano a gananang

Lebaka legolo ke metang

ngwaga ka lerato le ke le amogelang

le tshepo e ke e bonang

A kere re lebetse Modimo (rotlhe)

A kere ‘fifi le go aparela ka bonako

like, selemo sa mariga a Seetebosigo

O siela kae gonne gotlhe re tletse bosilo (re tletse bosilo)

Chorus 2

Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes

Five hundred twenty-five thousand journeys to plan

Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes

How do you measure the life of a woman or man

Verse 3

Ga se magatwe, go thata ya mangana a phage

Setsuatsue sa Phatwe

se le tsa fa ,

se le ba ya kwa

Ke sala ke eme

O sala o botsa nare dieman o ne a ja,

kae, le mang goreng jang a sa wa.

Ga la utlwa, ditlamalwana dikae

Marudi ao a tla le pula

Dula o e mete, ke kgaratlhela gore fa e kolomela

Boediidi bo korobela

ke bo ke bososela

Matsatsi fa a phirima

Bosigo balotsana ba go tsimola

bososela, jara mosi wa tsela

o lebile kae, fa e se wena ke botsa sefela “o timela jwang”

Legong o robegelang?

Legong o sale metsi ntlogele ke go oke ke santse ke go belege mpepu

Sedimonthole o re jele,Ntlapele Ferikgong ke a lela.

O le teng tota ke swelang senku.

Ke mo mileng go koloi ,

go sephethepethe,

o mpona boferefere

mme Ke semere letshwao, lare

“No food, No Job Please help”

“You no good, you are a flob, go to hell”

Ga se magatwe, go thata ya mangana a phage

Setsuatsue sa Phatwe

se le tsa fa ,

se le ba ya kwa

Ke sala ke eme

O sala o botsa nare dieman o ne a ja

Chorus 1

Five hundred twenty-five thousand, six hundred minutes

Five hundred twenty-five thousand moments so dear

Five hundred twenty-five thousand six hundred minutes

How do you measure, measure a year

In daylights, in sunsets, in midnights, in cups of coffee

In inches, in miles, in laughter, in strife

Repeat Chorus 2 2x

In daylights, in sunsets, in midnights, in cups of coffee

In inches, in miles, in laughter, in strife

Repeat Chorus 2

Tagged , ,

You cannot copy content of this page