BigL WaSekai-  Mareledi ft Noleen Lyrics

BigL WaSekai- Mareledi ft Noleen Lyrics

Mareledi ft Noleen (Lyrics)

Botshelo, ke Mareledi
Rewa re tsoga

Tshelo bo thata, tshelo ke mareledi
tshwana le kgwetlho tsa mme tsa kgwedi le kgwedi
Tsatsi lengwe go lesedi la o tletse ngwedi
Tsatsi lengwe go tlhokana le bale babedi
Babo thusane okase le wa esi
Fokotsa mokgweleo tshwaraganela kgetsi
Monna ribegetsa sejana kopa sa metsi
O kope le batsadi ba tsomane le ngwetsi
Ago thuse, omo tlotle goa nyetse
O lese go tsamaya o gagaba malwetsi
O nyenyafatsa le nyalo oe nyatsa ka nyatsi
Le tshwaragane le kgabaganye malatsi

(Hook)

Se tshege yo oleng botshelo mareledi
(Hee botshelo Mareledi)
Rewa re tsoga mme botshelo mareledi
(Hee botshelo mareledi)
Hee botshelo mareledi
(Hee botshelo mareledi)
Tsoga itlhotlhore botshelo mareledi
(Hee botshelo mareledi)

Botshelo bo bogale, tshetlha ya dikgwa
Naga e senang bo lobeto ba ipha
O tsere o motona o ipona o bereka
O tshameka ka bana o becha leka mareka
Bare baya skolong oba itaya tsebee
Dikgakololo o utlwa tjebee tjebee!!!
Oba jesa dikhanakhana eseng borotho
Tsatsi gale phirima o palama boloto
O rwele palamonwana o lebetse ka ene
Ditsholofetso o lebetse leka tsone
Oja monate o mo tshameka ka bone
Ga ona sepe leka segajaja le sone
Se bone nong e fofa e tsile gowa
Fa osa iphaphe lebitla letla go gowa
Iphaphe o ise o welwe ke seru
Le dingwaga di tloga di fofa jaaka leru

(Hook)

Bridge

Ohh ohuooo Mareleeedi
Marelediii, Mareledi mareleeedi

O monana? o mogolo? Tsaya maele
A hupe jaaka ngwana fa a anya letsele
Fa ole lekolwane, eya go rupa
Its good for you, gake go shape ka dithupa
Go rupa go fokotsa le go tsenwa ke mogare
Go feta le sephatlo sa lekgolo ka bogare
Fa o setse o rupile, lesa boaka
Stick to one patner otla nna mogaka

Tagged

You cannot copy content of this page